08/10/2026
Ba VDC ya Letlhakane North , Kgosi Alfred Petelelo , Kgosi Gabontshwe , Mokhanselara wa Mmatshumo le wa North East le Morafhe ba thotse ba ja marapo a thogo ka kgang ya go rulaganya Strategic Plan le Annual Plan .
Modulasitilo o ne a kopa morafhe go remellela megopolo ya bone ba e nyalanya le SLA ( Sustainable Lifelihood Aproach) .
Yare morafhe fa o tshwaela ba neela VDC dintha dile Mmalwa mo go tsone
1 @ Go sireletsa Phane le thuo ya yone
2@ Go thuba Mantswe go dira Mothaba , concrete le tse dingwe
3@ Dikago tsa Sekolo , Clinic , le Community hall
Matshwenyego
School Drop out
Alcohol abuse and drugs
Bogodu jwa leruo le ditswa tshimong
Maipaafela
Mme Modulasitilo o ne a supa gore o kopa batsadi go neela VDC mathale le meakanya ya go rarabolola mathata othle a ba a buileng .
Phuthlego e , e tlaa tsoga e le ko Kgotleng ya Tawana West gape kamoso mo mosong .
Jaanong neelang megopolo ya lona le tlatsa kana le baakanya e fa godimo hoo in comment section bagaetsho